Revelation of John 8

Sekano sa bosupa

1Erile fa Kwana e sena go kanolola sekano sa bosupa, ga nna tidimalo mo legodimong lotlhe e ka nna selekanyo sa oura. 2Mme ka bona baengele ba supa ba ba emang fa pele ga Modimo, mme ba neelwa ditorompeta di supa.

3Mme moengele yo mongwe a tshotse leiswana la gauta a tla a ema fa sebesong; mme a neelwa maswalo a mantsi go a tlhakanya le dithapelo tsa batho ba Modimo, gore a a bee mo sebesong sa gauta e le setlhabelo fa pele ga setilo sa Bogosi.

4Mme lonko lwa maswalo lo lo tlhakaneng le dithapelo lwa tlhatlogela kwa Modimong lo tswa mo sebesong mo moengele a neng a a tshetse teng.

Diphala tse supa

5Mme moengele a tlatsa leiswana ka molelo o o tswang mo sebesong mme a le latlhela mo lefatsheng; mme tumo ya maru ya thulana ya duma, logadima lwa phatsima, mme ga nna le thoromo e e maswe ya lefatshe.

6Mme baengele basupa ba ba tshotseng ditorompeta ba ipaakanyetsa go di letsa.

7Moengele wa ntlha a letsa torompeta ya gagwe, mme sefako le molelo di tlhakane le madi tsa latlhelwa mo lefatsheng. Karolo ya boraro ya lefatshe ya fisiwa gore karolo ya boraro ya ditlhare e bo e lailwe ke molelo, le bojang jotlhe jo bo tala.

8
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Tshenolo 8:9.
9
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Tshenolo 8:8-9.
Mme moengele wa bobedi a letsa torompeta ya gagwe, mme se se neng se bonala ekete thaba e kgolo e e tukang ya latlhelwa mo lewatleng, ya senya karolo ya boraro ya dikepe; mme karolo ya lewatle ya fetoga bohibidu jaaka madi; le karolo ya boraro ya ditlhapi ya bolawa.

10Moengele wa boraro a letsa torompeta mme naledi e kgolo e e tukang ya wa kwa legodimong ya wela mo karolong ya boraro ya melapo le metswedi. 11Naledi e e ne e bidiwa “Bogalaka” gonne e ne ya fetola karolo ya boraro ya metse otlhe mo lefatsheng, mme batho ba le bantsi ba a swa.

12Moengele wa bone a letsa torompeta ya gagwe mme ka bofefo karolo ya boraro ya letsatsi ya senngwa ya ba ya fifadiwa, le karolo ya boraro ya ngwedi le dinaledi, mo phatsimo ya letsatsi e neng ya fifadiwa selekanyo sa karolo ya boraro mme ga nna lefifi le le boitshegang. 13Ya re ke lebelela, ka bona ntsu a le esi a fofa go kgabaganya magodimo a lelela kwa godimo, a re, “Ija, Ija, Ija, a bo go latlhega batho ba lefatshe ka ntlha ya dilo tse di maswe tse di tlaa tlogang di direga fa baengele ba bararo ba ba setseng ba letsa ditorompeta tsa bone.”
Copyright information for TsnLEF